Naledi tsa poko
Dumelang lotlhe fela kgale kesa tsene kafa gompieno ebe kere ke tlhole ditsala tsa me le siame fla ke naledi tsa poko ngwana wa goja setswana jaaka setlhako
Dumelang bagaetsho kgale kesa bue Sepe neh mme ke teng
Leru go wela batswana ba mmakgafela
Tsiritsiri matetekwane se tetema se bona borremogolo
Bonkoko go okama motsetsi
Semonate seingwaelwa
Ga le ka mpha e tshegadi nka lo sebela ka sona
Mokgalajwe go e nesetsa p**a
Bankganne bo nkgonne go ba gokolola
Masika abo nteke e phimole mfufutso phatlheng.
Ke seepa letoutou
Motswana sediba setletse
Bo kgaetsadi seapolelwa ke ditlogolo
Monate wa puo monate wa go tshameka loleme
Nkemele serwao ga kena mosepele
Noko go otlolola mitlwa
Bonkoko kana ebe ke kgimilwe
Ntshwareng ka matlase ketle ke ethimole
Ke se tlhama dipina go tlhoka kopelo
Dumelang basebo dumelang dinoko 🙏
Ke lookwane se oketsa matute botsididi sethella ditshikeng
Banna go apara mmino ka ditlhako
Tshetsana go tsikinya mmele
Ke mareledi a go relela tlhogong
Lookwane se tsosa tlhogo di opa go tlhoka go ithoba mebele
Ke segajaja go gajaja masilo abo tanyane
Banna nka moraya kereng se iphitlha botsididing
Ke raya ngwana wa go rotha keledi kana bo mmangwane go dudueletsa ba apotse dijale
Halalalala...
Mahutsana sengaparela batho
Khutsana go tlhoka batsadi
Ke bua ka nta selomela kobong
Sefefo sa go phamola dikokwana
Ba kae bo mme mphimole dikeledi ke a lela
Bone ba irileng ba bona mmantsetserekwane a tsetserega ba wele mesimeng
Banna se kananyana mafoko se a tsaya kae
Se tshajwa ke batho se tshajwa ke diphologolo
Ke selo sa go gagola bo mmapule ba lebile
Ke bua ka bolwetsi se itira phamokate se phamola batho
Dikgosi le dikgosana go senang puo...
Dumelang ditsala
Keraya lona bokwena
Ke seipela ka ngwao basimanyana ba lebile
Ga ke boke ka tetesela
Dinoko tsabo thari e ntsho
Mosetsana wa go binisa tlhogo banna
ke sefafaledi sa go fafalla yare a utlwa ba Mo Seba
A nwele ngwana wabo thari e ntsho ka bogatlapa
Ba mpitsa maswaana yo erileng a sweela batho
ke tilodi ya dikgaga se apara nkwe
Ga ke e palame ke a feta
Banna lokae ka melodi
Basadi gake mmoki ke raya gore lo ntebe
Se tlhaba ka mitlwa
Seja bosigo
Click here to claim your Sponsored Listing.
Category
Telephone
Website
Address
Debrak Sandton Section
Rustenburg