BreakFree

BreakFree

Share

29/05/2026

Pudi ya tsela e supa gore kgang ya dip**a tse di masome a matlhano , lekgotla le e utlwile mo iphemelong ya motshwarwa ko ga Mochudi. Mme lekgotla le wetse ka gore iphemelo eo ke kakanyo ya morago, ditsiabadimo. Go utlwala gore iphemelo e e tsile ko morago jaanong motshwarwa a sena go tshwarwa ke ditlhatlhobo tsa DNA. Semenogane seo se pateleditswe ke maduo a ditlhatlhobo tseo go ya ka lekgotla.

Go ya ka bosupi jwa botlhotlhomisi, iphemelo ya mmelaelwa ko tshimologong e ne e le gore, ene bosigo jo bo bolelwang joo, ga a s**e a tlhakanele dikobo gotlhelele le mongongoregi. Ditlhotlhomiso di wetse sepodise se utlwile polelo ya motshwarwa gore are nnyaa o bopelwa fela kgomo ya mmopa ke mongongoregi.

Bosupi jo b**gwe jo lekgotla le bo utlwileng ke gore motshwarwa o ne a ikgatholosa ' ga ke batle' ga mmogo le go 'kgaramediwa ' ke mongongoregi fa a simolola , le fa a tsweletse a pechetsa terekere mo letsatsing jalo . Go a bonala bosupi jo bo netefatsang petelelo jo, motshwarwa o paletswe ke go bo ganetsa.

Nnyaa tswelelang le koleke fela betsho ga ke lo itse go dira jalo. Bobelo ntle le mowa wa go thuso o siame. Fela re seka ra iphitlhela re dirisa madi a rona a re segofaditsweng ke Modimo ka one go rotloetsa tlolo molao le borukutlhi. Fa e le gore gongwe ke kgang ya go tlhoka tshepho le tumelo mo makgotleng a rona, a re tleng ka tsela e e kà dirang makgotla a rona botoka gore tekatekano le tshiamo e nne bokao jwa makgotla a rona. Esere gongwe kamoso dirukutlhi tsa tlola molao mme ba sianele go ipaya botoka mo maranyaneng, ra tloga ra tshabisa batswa setlhabelo go ikuela, ba boifa go tloga ba bitswa maina a diphologolo.

Fela, ke letetse gore ke tle ke bogele bokgoni jwa ga setatalala Rre Jonase... a mantswitswidi yo wa molao yo, o tlaa kgona go supa gore nnyaa iphemelo ya motshwarwa ga se kakanyo ya morago. A bokgoni jwa gagwe bo tlaa pateletsa lekgotla go fetola tshwetso e ya lekgotla le le botlana. Kgotsa koleke ya batswana e olelwa fela ka motlhobodika go ntse go libilwe.Fa go ka nna jalo, a fetola tshwetso ya lekgotla gore nnyaa iphemelo ya motshwarwa ga se kakanyo ya morago.Ke ka mo rolela tlhoro Rre Jonase.

Go ntsha motho mo kgolegelong go letela tsheko ko ntle ke tshwanelo ya ope fela yoo libisiwang molato, jalo setatalala ga sena mmereko yo o kalo go golola motho go letela tsheko a se mo kgolegelong. Bogolo jang fa ditlhotlhomiso di wetse, mmelaelwa e se motswakwa kgotsa a se borai mo basuping kgotsa bosupi. Nnyaa o gololwa phakela ebile bogolo jang a emetswe.

Mmueledi ene o tshwanelwa ke go rolelwa tlhoro fela fa a na le bokgoni jwa go fenya ko tshekong kgotsa ko boikuelong ....

28/05/2026

Mo tshekong ya molato wa pelaelo kgotsa ipelaetso ya go tseelwa dikobo ka dikgoka...go pechetsa terekere mo letsatsing , kgotsa go ràlala toropo ka tonki jaaka basimane ko lapeng le le ba bitsa molato yo. Lekgotla le na le tiro ya go rurifatsa dintlha di le tharo.

Gore a mme go nnete go nnile le tlhakanelo dikobo. Lekgotla le dira jalo ka go reetsa mosupi e b**g ngaka ya kokelo e mongongoregi a thusitseng teng morago ga tiragalo eo. Fa a s**e a bonwe ke ngaka ope, ga gona molato wa petelelo fa pele ga lekgotla. Fa ngaka a mmone mme a sa rurifatse tlhakanelo dikobo. Ga gona
kgetsi.

Ntlha ya bobedi ke gore a mme tlhakanelo dikobo eo, a e ne e dumalanwe ke bobedi joo, kgotsa yo mongwe o dirisitswe a sa batle. Ntlha e, ga e supe gore molato wa petelelo ke fela fa o dirisitse dikgoka. Yare go nne le tumalano magareng ga bobedi joo. Ntlha e e ka netefadiwang ke ba gongwe ba boneng mmelaelwa a goga goga mongongoregi. Kgotsa ba ba utlwileng mongongoregi a kua kgotsa a lela . Ngaka le yone e ka netefatsa polelo e, fa mongongoregi a nnile le dikgobalo ka nako ya tiragalo. Mme ke tlhalose gore le kontle ga basupi ba, le kontle ga go kua le go lela, lekgotla le ka dirisa fela polelo ya mongongoregi ga mmogo le ya ngaka go go bona molato wa petelelo.

Ntlha ya boraro ke gore a mme modiri wa tiro eo ke ene yo a emeng fa pele ga lekgotla, mmelaelwa. Seo se ka netefadiwa ke maduo a ditlhatlhobo tsa ba b**gaka ga mmogo le polelo ya mongongoregi. Basupi le bone ba ka tiisa polelo ya mongongoregi fa gongwe ba bone mmelaelwa a goga goga kgotsa a na le mongongoregi. Le fa bone e se gantsi o ka fitlhela ba bone tiragalo ka bo yone ka gore ke tiro tsa sephiri.

Mo kgetsing ya Rre yo o mo setshwantshong se, go lebega lekgotla le kgotsofetse gore tlhakanelo dikobo e nnile teng ka nako e e buiwang. Ke dumela gore lekgotla ga le a nna le tiro e ntsi go kgotsofala ka jaana le mmelaelwa a ne a sa ganetse gore o tlhakanetse dikobo le mongongoregi ka tsatsi le le buiwang. Go lebega gape lekgotla le kgotsofetse gore mmelaelwa ke ene a tlhakanetseng dikobo le mongongoregi. Seo le sone e ne e se tiro e ntsi mo lekgotleng ka jaana mmelaelwa a setse a dumetse gore ee go nnete o robetse le mongongoregi.

A mme tumalano e ne e le teng?

Seo ke sone re sa se itseng. Lekgotla le ba ba utlwileng bosupi jwa mongongoregi le iphemelo ya mmelaelwa ke bone fela ba ka re thusang go itse gore a mme go ya bosupi Jo bo duleng, a naa go nnile le tumalano.

Ga kere mang o phepa mang o molato betsho, e sere gongwe wa nkutlwa ka tsa ga morakile . Ebile ga ke mmueledi betsho...ke motswana fela yo o nathoganang le bagaabo itemogelo ya loeto la botshelo.

27/05/2026

#3

Fa ke fetsa go baya ntichi yame foo ya motena ntßa le khabeche e e elelang kgodu e thokwa le go dumedisa borre ba ba difatlhego di tlhoafetseng ba, jaanong potso ya nna gore tota jaanong ke tlaa gata eng?

Bo mogoma bone ba kokoretse mo diemereng tse dintsho tse o ka itshemang ware gongwe di dirilwe ka thaere ya koloi. Mme fa o ela tlhoko sentle o tlaa lemoga gore ga se thaere , go polaseteke. Le fa ke shebasheba gore ana ke tlaa gata eng nna, borre ba ga gona yo o nkgwang kgaba bogolo . Kgabagare homeboy a bowa ko ntlung ya boapeelo a kumakumile ntichi tse pedi tse go lebegang di pepetlolotswe ka bomo gore di nne ditona. Ba di bitsa di 4 by 4 tsone dintichi tse.

Nako e yotlhe fa re santse re letetse homeboy jaana, go ne go sena ope wa rona yo o jang le fa makgotlana a mangwe one ba ne ba setse ba simolotse go sutlha dintichi. E rile fa jaanong go khurumololwa 4 by 4 tsele le tse dingwe tse nne ntse di khurumetswe, ka kgantlhantshiwa ke go phatsima ga mafura. Fa ke leba khabeche e ke e phakileng, le e e mo 4 by 4, ka lemoga pharolonyo e kgolo. 4 by 4 e nngwe yone e oletse dinawa , le tsone Rra di tswetswena mafura. Go a lebega se ke sone se baapei ba kgolegelo ba ka se dirañg go dira dijo tse difaphegileng. Go tlopela mafura . Ba re e a bo e le 'tsina'.

Mosimane a pitikolola motena ntßa mo ntiching e nngwe, fa a ntsha phaleche ele, ko tlase ka lemoga gore go khurumeditswe nama. Nama fela e e ka kgaoganngwang batho ba le masome. Mme letsatsi Leno go lebega go sa jewe nama, kgotsa ke re e sa apeiwa.
Ga lela leino, go renne setu. Yone ntichi e e fitlhileng nama ko tlase e, gatwe ke yone berethe ya tsotsi. E ntshiwa fela fa pele ga modisa magolegwa ene a re gongwe ke phaleche fela, kante phaleche ke legogo fela fa godimo, 4 by 4 e tletse nama ya magolegwa. Mme nama e, e ya go jewa ke palonyana e e seng ya sepe.

Di berethe tse tsa bo tsotsi tse, di rekwa ka melora, metsokwe le matanyola. Bontsi jwa baapei ba kgolegelo ga ba tlholwe sentle ke masika le ditsala go ba lerele melora. Ga mmogo le bontsi jwa ba ba dirisiwang botlhaswa mo go tsa matanyola, ga ba na baeng. Motho o kiba dingwaga tse di lesome o ka se utlwe ka tsatsi lepe gotwe o na le moeng.

E rile maitseboa di sena go pasa nako ya boraro tshipi ele ya lela gape. Mola ole wa boela gape. Jaanong gone go jewa motogo wa phaleche, selae sa borotho se le esi le thothinyana ya mashi. Ko lekgotleng le le lame, ke fa bone namane tse ditona go nowa tee e e bothitho e bile e tlopetswe lebese . Borotho jone fa pele ga rona, e le dilofo, e seng dilae jaaka ba bangwe. Khabeche ya kgantele e sala , jaanong go inwa borotho jo mo go yone, mo tsineng e ya mafura.

Moragonyana, ka bofefonyana ebile ba bangwe ba ise ba fetse go ja, tshipi e le ya lela gape gape. Jaanong mela ya nna fa pele ga dicell. Mela e e ne e sa tshwane le ya ko dijong. Yone go kotangwa sebedi bedi go libilwe ko kgorong ya cell. Nna ka laelwa go ya go nna fa tafoleng e le ya cemente go fitlhela go fediwa go tswalwa ke gone ke tlaa fiwang cell. Mo pelong kare ohh, go raya gore ke gone ba tlaa mphang dikobo ba bo ba mpontsha gore ke ala fa kae. E rile ba sena go dikologa dicell tsotlhe ba tswala. Modumo yo o saleng o sera ke goroga fa wa fokotsega ka bonakwana, lefelo le lo neng lo tletse batho la fetoga go nna bodutu. Ya ba ya nna o kare ga go boidiidi jwa batho fa.

Ka belediwa ko cell 2. Ga ke ise ke fiwe nako ya go botsa ka dikobo. Lebati la kitimetsa ko morago game. Modumo wa lone wa nkgakolola gore , 'ke jaaka kgololesego ya gago e ile'. Ka nako eo moteng ga cell borre ba, ba ne ba setse ba apotse ko godimo botlhe, ba ka nna masome a matlhano kgotsa go feta mo ntlung lefalafala e. Go ne go setse go le mogote mo ntlung e. Bangwe ba ntsh*tse dibaselapa go itshutlha mofufutso wa mogote o. Ke ne ke sa itse gore ke ka dira eng. A ke ka nna fa fatshe gone fa lebating fa, kgotsa ke ka ema fela ka dinao gone fa. Kgotsa ke tsamaye tsamaye go iketsha ditlhong le letshogo .

Mongwe a tswa kwa mokonong wa ntlo kwa, moeka a itekanetse Rra ebile a gata lefatshe ka makgakga. A tla a tlhamaleletse tota ko go nna, a ntshutisa ka lebogo mme a raga lebati le la tshipi go ka nna ga raro. A raga lebati le jaana ka mpa ya lenao a furaletse lebati le. Ka bofefo ga re 'tuuu' ... pelo yame jaanong ya nna o kare go reeditswe yone, e kitimetsa ruri. Matshwane o le wa kwenkwetla ya motho a re , 'rena le moeng borra, o tla ipolela leina le gore o tswa kae o jeleng '. Mo pelong kare ga e kake . Mogoma kare gongwe ke jaaka ba batla go nnyatsa. Owaiii kante ke tsamaiso ya lelwapa le.

Dipone di timilwe moragonyana fela ga dikgang tsa boferab**gwe. Jaanong ka ke ne ke nnile bodipanyana. Ba ntima dikobo. Pele fela ga dipone di timiwa mongwe wa leina la Smith a mpiletsa fa go ene. A mpotsa dipotso gore ke mang jalo jalo. A nkitsise fa ene a nna ko Zola. Owaiii, a bo ke bone mmata . Ke ene a neng a mpolelela gore go ipolela ke tsamaiso. Mme a itumeletse gore ke bodipanyana. Ke ene a mphileng boroko bosigo joo.

Mme ga ke ise ke bo bone jwa dintshi. Lantlha go ne go gana fela gore ke thulamele. Kgantele fa bo tloga bo tla jaanong. Ke a bona ka nako ya b**gwe makuku. Ka bona mongwe a emelela ka bonya mo dikob**g tsa gagwe, a ya go kotama fa go tsa yo mongwe. Morago ba emelela botlhe, mme ba nanabela. Ka simolola jaanong go tlelwa ke letshogo le legolo mo lefifing. Ba bo ba ya go nyelelela fa dikob**g tsa bangwe ko kgorong kwa. Kgantele wa ntlha a boela dikob**g tsa gagwe... kgabagare o mongwe le ene a boa, mme le fa ba boa jaana, ba ntse ba nanabela fela. Ga emelela yo mongwe o sele, le ene a ya ko bale ba tswang teng.
Mme ka bofefonyana ka tloga ka utlwa 'heela tlhe mna o dirang ne monna...' , Modumo wa tsoga, magolegwa le bone ba tsoga.

Letsatsi lame lantlha, tiragalo e ya nthuta gore mo toronkong ga go robalwe...esere gongwe wa iphitlhela o le majomajo dirope tse o tsoga.

........... .......................................
Tlogela ngwanyana yoo a tsamaye skwata...ee o a mo rata, mme se morate go feta wena....go iphitlhela o le mo seemong se ☝️,..kgotsa ebile gongwe o santse o letetswe ke kgole ko flateng ga se go ithata. Ebile ga go supe fa le mogaka WA lorato.

Want your organization to be the top-listed Non Profit Organization in Gaborone?
Click here to claim your Sponsored Listing.

Telephone

Website

Address


Gaborone

Opening Hours

Monday 09:00 - 17:00