Kaelekae

Kaelekae

Share

05/01/2023

Mokwalo o o lolameng...!

Part 1. MOKWALO O O LOLAMENG KE ENG?

Re simolola fa: Puo e a buiwa. Ke medumo e e nang le bokao. Fa re re o itse puo re raya gore o ka e bua – wa dumisa medumo ya yone ka tsepamo. Le ngwana fa a ithuta puo, o ithuta go bua pele ga a ka ithuta go kwala. Ka jalo modi wa puo ke medumo ya yone – ke yone e e lomaganngwang ke babuammogo go amogana bokao. NTLHA E E BOTLHOKWA. Ke yone mokwatla wa thuto ya puo. Ka jalo dithuto tse di ikaelelang go tlhalosa mokwalo di tshwanetse go simolola fela ka gore medumo e babui ba puo ba e dirisang e, e kwalwa jang mo mopeletong. Se se raya gore re tshwanetse go farologanya modumo wa puo o motho a ka o utlwang fa mmua-puo a bua, le mopeleto kgotsa tlhaka e e kwadilweng e e lekang go emela modumo oo. NTLHA E E BOTLHOKWA.
Mo dithutong tsa rona tsa mopeleto kgotsa mokwalo o o lolameng, kgotsa mokwalo-tshwano, re tlaa totobela go tlhalosa gape gore puo ya Setswana e lomaganya jang medumo go bopa dinoko tsa mafoko (syllables). Se se botlhokwa ka gore fa pelenyana fale se se tlaa re supetsa fa re tswa mo tseleng, re fapoga, re tlaila, kgotsa re phelea.

Mokwalo o o lolameng ka jalo ke maiteko a baitseanape ba puo go leka go tswa ka thulaganyo e batho ba ba buang puo e le nngwe ba ka tlhaloganyanang ka teng motlhofo ka mokwalo – fela jaaka ba tlhaloganyana motlhofo ka medumo ya puo. Ke mokgwa wa go fetolela puo kgotsa medumo ya puo mo mokwalong gore fa o e bala, kgotsa fa o e buisa e utlwale, e tlhaloganyesege. E re ntswa Setswana se na le ditengwana tse di farologaneng (dialects) se na le mokwalo o o dumalanweng o le mongwe fela. Mokwalo ke wa Setswana. Ga se mokwalo wa Serolong, Sengwaketse, Sekgatla, Sekwena, Setlharo, Sengwato, Sehurutshi, jalo le jalo. Ke mokwalo wa Setswana. Mokwalo o o lolameng ga o laolele batho gore ba bue teme ya bone jang. O itebagantse fela le gore puo ya Setswana e kwalwa jang ka tsepamo.

Medumo ya puo ya Setswana e kgaoganngwa ka dikarolo tse pedi: ditumammogo (consonants) le ditumanosi (vowels). Fa, ke bua ka medumo ya puo, e seng mopeleto. Ditumammogo ke medumo e mo tumisong ya yone go nang le kgomano ya dikarolo dingwe tsa legano jaaka dipounama, meno, magalapa, le loleme. Ditumanosi ke medumo ya puo e mo tumisong ya yone go se nang kgomano ya dikarolo tsa legano jaaka dipounama, meno, magalapa, le loleme.

Re kgwa setšhwe fa. Re tsweledisa kamoso...

Want your business to be the top-listed Computer & Electronics Service in Gaborone?
Click here to claim your Sponsored Listing.

Address


Plot 130, Unt 1, Nkwe Square, GIFP
Gaborone
00267

Opening Hours

Monday 07:30 - 16:30
Tuesday 07:30 - 16:30
Wednesday 07:30 - 16:30
Thursday 07:30 - 16:30
Friday 07:30 - 16:30